Dithamalakwane
From Wikipedia
Thamalakane | Tlhaloso |
---|---|
Baloi ba mminamitlwaneng | Marothodi a pula |
Kgomo e tswa Engelane, e tshologa sebodu ka tlhogo | Kerese |
Ya tloga e le nosi, ya boa e ntsifetse | Peo |
Monna yo e reng a le monnye o bo o sa mo rate, e re a gola a bo a phimoga | Lerotse |
Ke lepelela modubeng, ka re: "Rra Nthuta pula" | Pula |
Sethare se se fulwang ke batho botlhe | Mabele |
Se se na molomo, metsi se a tsaya kae ? | Legapu |
Monna yo moleele, mosugadinakedi | Mosi |
Selo se se mo kokong ka kwa morago, mo mothong se kwa pele | Lengole |
Se re Kagari! ntsweng, bomhele ba tla ba siane | Dintswa di atumela fa ptsa e falwa |
Mo ke leng teng ga se tlhokagale | Ntshi |
Se le bonnyennye bo kana, molapo se o tlola jang ? | Segogwane |
Ka tlhatlega ka e kana, ka bo ka khurumela ka e kana | Lefatshe le loapi |
Ka o tshela maokeng, wa boa wa mpharafela | Molora
Sa re nyedi sa re tseke, sa ruta pudi matseba. - Legadima |