Dithamalakane
From Wikipedia
Sekananyana se mpotsa dipotso - Seyalemoya/Radio Sekananyana mafoko se a tsaya kae? - Ditaola/Dipheko Sekananyana metsi se a tsaya kae? - Legapu Pota kafa ke pote kafa retla kopana ko pele - Lebante Bana ba ba nne(4) ba dula ba taboga fela mme ga ba siane - Mabile a koloi
Thamalakane | Tlhaloso |
---|---|
Sa re nyedi sa re tseke, se ruta podi matseba | Legadima |
Ka itaya mpipi, mpipi a tlhoka lebadi | Metsi |
Ka itaya mpipi, mpipi a tswa lebadi | Seretse |
Ngwana a phinya, mmagwe a sia | Lerumo la setlhobolo |
Sa tampa tampa sa ya go tsalela kwale | Ke thotse ya nama, mme legapu la golela kwa |
Sentlhaga sa kgwerere se thulame mme mae ga a tshologe | Lebele la Kgomo |
Monna yo o ko Ntsweng yo o binang pedi mpepetlwana | Ke loleme |
Moraka o o mo gare ga motlhaba | Ngwedi |
Phate ikale o bo o ikalola | Maru |
Sea tampa tampa seya go tsalela fale | Thotse |
Ooo thiaa setlantlapane | Tlhogo ya gopane |
Tswee tswee tobetsa "edit" ko godimo o tsenye tse dingwe.