Diane
From Wikipedia
Diane ke manatetsha puo a Setswana.
Dingwe tsa tsone le tlhaloso ya tsone ke tse:
Thabo Tjege Hammanskraal 0824991338
Seane | Tlhaloso |
---|---|
O se tshege yo o oleng, mareledi a sale pele | -Se re fa o bona mongwe a tlhagetswe ke tsietsi wa sotla ka ena,e tsoga e le wena o wetswe ke bomadimabe mme o tlhoka kutlwelobotlhoko |
O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yone | - Motho le fa a ka nna le madi kgotsa botshelo jo bontle jang kgotsa jang, go ya tlase ga gagwe go tla tswa mo go reng o itshotse jang le gore o tshotse batho bangwe jang teng godimo koo. |
Meno masweu bolaya e tshega | - Ena yo o itirileng tsala ya gago, ke ene yo o go tlhanogelang a bo a ja le dira tsa gago. |
Gaabo-Motho go Thebe-Phatswa | Motho o mogolo ko ga bona |
Tshwene ga e ipone sekopo (mariba) | Ga go bonolo go lemoga makoa a gago kgotsa go ipona phoso. |
Tshoswane e kile ya roma tlou | Go ka diragala gore mmotlana a laole mogolo. |
Tsebe e ya moletlong e sa o lalediwa | Motho o a tle a utlwe mafoko a a sa tshwanelang go a utlwa |
Magogwe o belaela lemepe | Go dumela sengwe kgotsa thulaganyo o ntse o belaela |
Tlhotsa pele ga se swa pele | Go kgorelediwa ke mathata pele ga ba bangwe ga go kae gore ga o ye go atlega |
Mayo le maboo ga a itsewe | Tse di tla diragalang ga di itsewe |
Tladi e bogale e sa tswa marung | Botlhoko jwa tiragalo e e masisi bo fokotsega morago ga lebaka |
Thukhwi o rile : "Ke lebelo". Marota a re : "Ke Namile". | Mo botshelong motho a se ka a tshepa gore a ka bo kgona a le esi |
Tedutshweu ga se botsofe | Setshwano sa motho se na le go go tsietsa |
Mhinyana o a swa, selepe se sale | Leina le ditiro tsa motho di sala di itsege ena a setse a ile |
Seyabogwe se tletse, se boa se tletse | Fa o se ngame kgotsa fa o thusa ba bangwe ka dilo tsa gago, le bona ba tla go tshola ka mokgwa oo |
Kgomo megobeng e wetswa ke namane | Mmagwe ngwana o tsena mathateng ka ntlha ya ngwana. |
Tadi e anya e amusa | |
O se bone tholwana borethe, teng ga yone go a baba | - Ga se gore motho fa a le montlentle, le mekgwa ya gagwe e ntse fela jalo |
Tshipo o rile ke lebelo, marota/motlhaba wa re ke namile | - Motho le fa a ka dira bobe mme a re o a siya, o tla bo a nne a tshwarwe la bofelo. |
seboba re bata sa mokwatla, sa mpa re a mpampetsa | O ka itshwarela mo ga eno go na le motswakwa |
Phokojwe ga a ko a latlha mosesele e le wa gagwe | Motho ga a kake a latlha mekgwa ya gagwe |
Phokoje go tshela yo o dithetsenyana | - Motho go tshela yo o botlhale |
Kgosi ke kgosi ka malata | - Motho ke motho ka batho |
Mafoko a kgotla a mantle otlhe | - |
Moroto o o esi ga o ele | -Motho a le esi a ka se kgona go dira tiro e e bonagalang(Motho ke motho ka batho ba bangwe) |
Kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa | Batho ba dira tiro botoka fa ba e dira ba e kopanetse |
Mabogo dinku a thebana | Batho ba dira tiro botoka fa ba e kopanetse |
Tloga tloga o tloga gale, modisa wa kgomo o tloga nayo | - Go dira tiro go santse go le phakela go phala go e dira letsatsi pele ga e tlhokiwa |
Bana ba motho ba kgaoganya tlhogo ya tsie | Bana ba motho ba kgaogana sengwe le sengwe le fa seka nna sennye jang |
Bojang jwa pitse ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo hupile | -Sa motho ke se a nang naso, se a iseng a se fitlhele ga ise e nne sa gagwe. |
Kgosi thothobolo o olela matlakala | - Moeteledipele o rwala maikarabela a balatedi bagagwe |
Bontle bo nale dibelebejane | - |
Mmangwana o tshwara thipa ka mo bogaleng | - |
Sedikwa ke Ntsa-pedi ga se thata | - Tiro ga e nke e pala fa e tlhakaneletswe |
Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rragwe | - Ngwana yo o senang maitseo o palela motsadi wa gagwe. |
Susu o ilela suswane, gore suswane a tle a mo ilele | -Fa o le ko godimo ka maemo, o tshanetse go rekegela ba ba botlana mo go wena |
Kgakakgolo ga kena mebala,mebala e di kgakaneng - Motsadi o tlhoko
mela bana thata ke ka moo re tshwanetseng go sheba bontle jwa gagwe mo baneng. Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng-yo monnye a ka gakolola yo mogolo Lore lo ojwa lo sa le metsi-ngwana o rutwa maloa bonnyeng maropeng go a boelwa go sa boelweng ke teng-mo o kileng wa tsholwa sentle go bonolo go boela O tshega-tshega di ja mme, e tla re di ja mmago, wa lela - O se tshege yo o leng mo dipharagobeng ka gonne ka moso e tlabo e le wena. Moja morago ke kgosi. Thukwi o rile ke lobelo, motlhaba ware ke namile. Moja morago ke kgosi. Khudu ya mariga e itsiwe ke mmei. Mosadi fa a inama a be a ikantse motlokolo kwa morago - Motho ga a dira sengwe o a be a inkantse se sengwe. Korwe ga ke je, ke babalela tseetse- Motsadi ka metlha o gopola bana. Sekukuni se bonwa ke sebataladi ||- Fa motho a dira sengwe a inthaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona. Le fa o ka e buela lengopeng magakabe a e bona ||- Fa motho a dira sengwe a inthaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona. Sa re nyedi sa re tse, sa ruta podi matseba. Montsamaisa bosigo ke moleboga bo sele. Khudu ya mariga e itsiwe ke mmeyi. Nna o nkgokgotha leselo seupe ke go kgomaretse Seboba re bata sa mokwatla sa mpa re a mpampetsa Ngwana ntae ke go lae tlhogoputswa ga se molao Ke ma kgabe a di papetla a logilwe ke ngwanana a sa itse go otlha |